Matthew 9

Jesu o fodisa segole

1Mme Jesu a palama mokoro a kgabaganya lecha a ya Kaperanama, motse wa ga gabo. 2Ka bofefo banna bangwe ba lere kwa go ene mosimane yo o teteselang a le mo phateng. Erile fa Jesu a bona tumelo ya bone a raya mosimane yo o teteselang a re, “Nametsega ngwana, gonne ke go itshwaretse dibe!”

3Mme bangwe ba baeteledipele ba tumelo ba gowa ba re, “O a tlhapatsa, Monna yo a re ke Modimo!”

4Jesu o ne a itse se ba neng ba se akanya mme a re, “Ke eng fa lo akanya megopolo e e maswe jaana? 5A go thata go itshwarela dibe tsa gagwe go na le go mo fodisa? 6Mme jalo he, go supa gore ke na le thata fano mo lefatshing go itshwarela dibe.” Jalo a retologela kwa mosimaneng yo o teteselang a mo raya a re, “Tsoga o phuthe phate ya gago o ye lwapeng.”

7Mme mosimane a nanoga a tsamaya!

8Poifo e kgolo ya wela bontsintsi jwa batho fa ba bona se se diragala fa pele ga matlho a bone. Ba galaletsa Modimo thata ka go naya motho thata e e ntseng jalo.

Go bidiwa ga ga Mathaio

9Fa Jesu a tsamaya mo phologelong ya tsela, a bona mokgethisi Mathaio, a ntse fa go kgethisediwang teng, mme Jesu a mo raya a re, “Tla o nne morutwa wa me.”

10Morago, fa Jesu le barutwa ba gagwe ba a ja dijo kwa tlung ya ga Mathaio, ga bo go le batsietsi ba le bantsi e le balalediwa ba ba itsegeng ka mekgwa e e maswe.

11Mme Bafarasai ba kgotswa ba re, “Ke eng fa moruti wa lona a dirisanya le batho ba ba ntseng jaana.”

12Mme Jesu a ba raya a re, “Ka gore ba ba itekanetseng ga ba tlhoke ngaka, ba ke ba ba e tlhokang!” 13Mme a oketsa a re, “Tsamayang lo ithute tlhaloso ya temana ya Lokwalo, ‘Ga se ditlhabelo tsa lona le dimpho tsa lona tse ke tshwenyegang ka tsone, ke batla gore lo nne le kutlwelobotlhoko’. Tiro ya me fano mo lefatshing ke go busetsa badiradibe mo Modimong e seng go tshwenyega ka batho ba ba siameng.”

Go ikitsa dijo

14Letsatsi lengwe barutwa ba ga Johane wa Mokolobetsi ba tla kwa go Jesu ba mmotsa ba re, “Ke eng fa barutwa ba gago ba sa ikitse go ja dijo jaaka rona le Bafarasai re dira?”

15Mme Jesu a botsa a re, “A ditsala tsa monyadi di tshwanetse go hutsafala, di ikitsa dijo fa a sa ntse a na le tsone? Mme nako e tlaa tla fa ke tlaa tlosiwang mo go tsone. Mme ke gone ba tlaa nnang le nako e ntsi go ikitsa dijo.

16“Mme ke mang yo o ka bitiyang seaparo se segologolo ka letsela le lesha? Ka gore sebata se ka gagola sa dira leroba le legolo go gaisa pele.

17“Mme emang yo o ka dirisang makuka a magologolo a mofine go tshela mofine o mosha? Gonne a magologolo a ka phanngwa ke go hupela, mme mofine, o tshologe, makuka a senyege. Ke makuka a masha fela a a dirisiwang go tshela mofine o mosha.”

Morweetsana yo o suleng o tsosiwa mo baswing

18Ya re a sa ntse a bua jaana, moruti wa ntlo ya thuto a tla a mo obamela a re, “Morwadiake yo mmotlana o sule, mme o ka mo rudisa fa o ka tla wa mo ama.” 19Ya re Jesu le barutwa ba gagwe ba sa ntse ba ya kwa lwapeng lwa moruti 20mosadi yo o sa bolong go lwala bolwetse jwa tshologo ya madi mo teng ka dingwaga di le lesome le metso e le mebedi a tla a mo setse morago mme a ama momeno wa seaparo sa gagwe. 21Gonne o na a akantse gore, “Fela fa nka mo ama ke tlaa fola.”

22Jesu a retologa a bua nae a re, “Morweetsana, gotlhe go siame! Tumelo ya gago e go fodisitse.” Mme mosadi a fola ka yone nako eo.

23Erile fa Jesu a goroga kwa lwapeng lwa ga Moruti, a bona bontsintsi jwa batho bo tsositse modumo mme a utlwa le moopelo wa phitlho, 24A re, “Ba ntshetseng kwa ntle, gonne morweetsana ga a swa; o robetse fela!” Mme ba ne ba mo tshega ka tshotlo le ka go mo nyatsa! 25Ya re fa bontsi jwa batho bo sena go tswela kwa ntle, Jesu a tsena mo teng kwa go neng go namaletse morweetsana mme a mo tshwara ka seatla, mme a nanoga a itekanetse sentle gape. 26Mme pego ya kgakgamatso e e gakgamatsang e ya tlala mo lefatshing lotlhe.

Jesu o foufolola difofu tse pedi

27Ya re fa Jesu a tswa mo lwapeng lwa morweetsana, banna ba le babedi ba difofu ba mo sala morago ba goa ba re, “Ao Morwa Kgosi Dafide, re utlwele botlhoko.”

28Ba tsena mo tlung kwa a neng a nna teng, Mme Jesu a ba botsa a re, “A lo dumela fa ke nonofile go lo foufolola?” Ba re, “Morena, re a dumela.”

29Hong a ama matlho a bone mme a re “Ka ntlha ya tumelo ya lona go tlaa diragala!” 30Mme ka tshoganetso ba foufologa! Jesu a ba laya gore ba seka ba itsise ope kaga selo seo, 31mme mo boemong jwa go dira jalo ba anamisa tumo ya gagwe gongwe le gongwe mo motsing.

32Erile Jesu a tswa mo lefelong leo, a rakana le monna wa semumu yo o neng a sa kgone go bua ka ntlha ya mowa o o maswe o o neng o le mo go ene. 33Hong Jesu a kgoromeletsa mowa o o maswe kwa ntle, mme gone fela foo monna a simolola go bua. Bontsi jwa batho jwa gakgamala thata ba re, “Ga go ise nke go diragale mo matshelong a rona go bona se se tshwanang le se.”

34Mme Bafarasai ba re, lebaka le a nonofileng go kgoromeletsa ntle mewa e e maswe ke gore ene ka bo ene o tsenywe ke mewa e e maswe. O tsenywe ke Satane Kgosi ya mewa e e maswe.

35Jesu o na a tsamaya mo tikologong yotlhe mo magaeng a lefatshe leo, a ruta mo matlung a thuto ya Sejuda a anamisa Mafoko a a Molemo kaga Bogosi. Mme gongwe le gongwe kwa a neng a ya teng o na a fodisa batho mofuta mongwe le mongwe wa bolwetse. 36Mme o na a na le kutlwelo botlhoko thata mo bontsintsing jwa batho jo bo neng bo tla; ka gore matshwenyego a bone a ne a le matona thata mme ba sa itse se ba ka se dirang kgotsa kwa ba neng ba ka ya teng go bona thuso. Ba ne ba tshwana le dinku tse di senang modisa.

37Mme a raya barutwa ba gagwe a re “Thobo e kgolo thata mme barobi ba ba botlana thata. 38Jalo he, rapelang yo a leng motlhokomedi wa thobo, lo mo kope go thapa barobi ba bangwe ba masimo a gagwe.”
Copyright information for TsnLEF